Paka ya ikwadiso ya batutwana e buletswe

Ka Olebogeng Molale

Lefapha la thuto mono Kapa Bokone le rotloetsa batsadi go ka kwadisa bana ba bone fa paka ya ikwadiso etlabe e simolola gotloga fa kgwedi ya Seetebosigo etlebe e rogwa go fitlha eya kwa bokhutlhong.

Lefapha leare fa batsadi ba kwadisa bana ba bone go santse go nale nako seo se thusa mo goreng ba neelwe manno nako e sale gone mo dikolong tseo ba ditlhopileng,ikwadiso eno ya mo mafaratlhatlheng a internet e totile barutwana ba mophato wa bomapimpana kana (Grade R ) goya go mophato wa borobedi , mme barutwana bao ba dirang mephato ekwa go dimo batsadi ba bone ba rotloediwa go etela dikolo tseo ba ditlhopileng go dira ikwadiso.

Sebueledi sa lefapha la thuto mono Kapa Bokone Lehuma Ntuane are ba lebeetse gore etlare mo bekeng yantlha ya go bulwa ga ikwadiso ya barutwana batla kgona go amogela barutwana be feta dikete dile lesome le borobedi fela jaaka ba kgonne go dira jaalo ngwagola,are mokgwa wa ikwadiso ya internet o dira ikwadiso enne bonolo ebile e fokotsa le nako.

“Rea itse gore profense ya rona e aparetswe ke metse magae mo gone internet e naleng gonna tlhoba boroko ka jaalo renale di senthara dile lekgolo some a matlhano le boraro mo gone batsadi batla kgonang goya go kwadisa ban aba bone thata bao ba senang bokgone jwa go dira ikwadiso ka bo bone”

Ntuane are kantlha ya fa naga e santse e lebagane le leroborobo la Covid 19 mo di senthareng tsotlhe tsa ikwadiso gotla salwa morago melawana ya thibelonya go anama ga bolwetse jono,bao bas a tsenynag sethiba nko le molomo ga ba kitla ba letlelelwa go tsena.

Comments are closed.