Baithuti Ba Rotloediwa Go Dira Ka Natla

Ka Olebogeng Molale

Lefapha la thuto mono Kapa Bokone leare le kgotsofaletse ka moo programma ya dithuto tsa tlaleletso tsa paka ya mariga go baithuti ba mophato wa marematlou di tsamayang ka gone, lefa gone naga ya Afrika Borwa ele mo legatong la bone la thibelo ya metsamao kantlha ya koketsego ya dikgetsi tsa mogare wa Covid 19.

Lefapha leare mo ngwageng o fitileng bontsi jwa barutwana bane ba tshwanelwa ke go fitisediwa mo mephatong e mengwe kantlha bane ba amilwe ke maemo ao aneng a sa letle gore dikolo dika tswelela jaaka gale , maemo a akaretsa go tlhaela ga barutabana, go tswalwa ga dikolo dingwe tseo dineng di itemogela kanamo ya mogare wa covid 19 , le mokgwa wa gore barutwana base tsene mo phaposing bale bantsi ka nako ele nngwe.

Sebuledi sa lefapha la thuto mo profenseng Geoffrey Van der Merwe are monongwaga ba batla go leka go thusa barutwana gore ba bone dipholo tse di kwa godimonyana ke ka mokgwa o ba bone gole maleba gore gonne le programma ya dithuto tlaleletso ya mariga go thusa barutwana bao ba itemogelang mathata mo dithutong tsa bone. Gareng ga dirutwa tseo barutwana bano batla thusiwang ka tsone ke Economic , Physical sciences , Consumer studies le dirutwa tse dingwe tse lefapha le bonang gole botlhokwa gore barutwana ba thusiwe mo gotsene go ka bona dipholo tseo di namatshang.

Jaaka lefapha la thuto re bone gole botlhokwa ebile gore re nne le baitsanape bao batla thusanang le barutabana go tlamela ka maele mo go tlhokagalang gonne seno setla dira gore monongwaga barutwana ba mophato wa marematlou ba bone dipholo tse di botokwa, re rata gape go leboga bagokgo ba dikolo tseo di farologaneng le barutabana ka go innela , le go dirisa malatsi a bone a boikhutso go thusa barutwana ba rona ba mophato wa marematlou ba ngwaga ono wa dithuto.

Van der Merwe o boetse a rotloetsa barutwana botlhe go dira ka natla go netefatsa fa ba bona dipholo tse ditla ba kgontsang go iponela lekwala la marematlou

Comments are closed.