Tshotlhakako ya mo malapeng etlhagelela kwa setlhuweng

Olebogen Molale

Mosireletsi wa sechaba wa moloba Advocate Thuli Madonsela are eno ke nako ya gore banna ba tshameke karolo mo go lwantshaneng le tshotlakako .  Go ya ka bong,Madonsela one a bua seno ka nako ya moletlo wa thupelelo ya baagi ka mokgwa wa mafatlhatlha a thaeletsano ka kwa Univesiting ya selegae ya Sol Plaaje go buisana ka tshotlakako ya mo malapeng.

Moletlo one o tsenetswe ke baagi ka kwano Kimberley go akaretsa baithuti ba university , mme maitlhomo a moletlo ene le go buisana ka gore baagi ba ka dira jaang go fedisa tshotlakako ya mo malapeng segolo jaang re lebile malatsi a boiketlo a paka ya meletlo ya Keresemose.

Madonsela are kakanyo ya gore baana ba tshwanetse go gatelela basadi e tshwanetse go fedisiwa gonne ke yone sebakwa segolo seo se dirang gore banna ba sotle basadi kana ba ba gatelele are eno ke nako ya gore gonne le dipuisano tseo di tseneletseng ka ga ditswanelo tseo basadi ba naleng tsone.”Re tshwanetse go boisana jaaka Ma-Afrika Borwa gore re fedisa jaang mathata a re naleng one a go sotlwa le go bolawa ga basadi le bana rea itse nako e re tsenang mo go yone e retla bona go oketsega ga dikgetsi tsa tshotlakako ya mo molapeng ka jaalo di pusiano tsa mothale ono di botlhokwa thata.

Motlatsa Mochancelara wa University Professor Mary Jean Baxen le ene o boetse a gatelela gore barutegi bao ba santse ba fatlhoga ba tshwanetse gonna karolo mo go samaganeng le mathata a loago jaaka tshotlakako ya mo molapeng,bosinye le kgethololo ya goya ka mmala “Gantsi jaaaka university re rotloetsa baithuti ba rona gonna le kgatlhego mo dilong tseo di diregang mo loagong.

Baxen o dirile boikuelo go baagi gore baseke ba didimala fela fa ba lemoga gore dilo dingwe ga di tsamaye ka tsela,  Kgabagare ene yare go sale gare mo presdinete Cyril Ramaphosa one a kaya fa naga eno e nale dipalopalo tse dikwa go dimo thata tsa go sotlwa ga basadi a kaya gore ntlha eno le yone ke leroborobo fela jaaka mogare wa Covid 19 , a boa a ikuela go baagi go thusana le puso mo ntweng ya tshotlakako ya mo malapeng.

 

Comments are closed.