Baagi ba tsenwa ke tsebetsebe

Baagi ba lefelo leo le itsege ka Morakeng gaufi le Phuthanang mono Kimberley bare ba lapisitswe ke gore nako le nako fa go nale pula ba tshwanele ke go tsenwa ke tsebetsebe ,seno ke jaaka mo malatsing a le malwa a fitileng bantse ba tsweletse ke go tsenelelwa ke pula mo mekhukhu ya bone.

Goya ka baagi ditsela kwa lefelong leo le tsone ga di tsamaege fa pula enele ebile ka nako dingwe baagi bagwe ba retelelwa ke goya ditirong,baithuti le bona ba a kgoreletsega goya dikolong kantlha ya fa borra ditekesi ba gana nnya wa banyana gotsena ka lefelo leo.

Karabo Mokgele yo o setseng a dutse sebaka sa dingwaga dile tharo kwa lefelong leno la Morakeng are fa esale masepala wa selegae , wa Sol Plaatje o ba tshepisa gore batla fudusediwa kwa lefelong le lengwe mme ga go nko e tswang lemina , are ba lekile ka makgetlho go ikgolaganya le bao ba maleba mo masepaleng mme maiteko a bone a retetse.

“Re lapile ke ditshepiso tseo di sa diragadiweng ka ngwaga wa 2017 masepala o ile ware tshepisa gore batla re batlela lefelo le lengwe leo retla rebolelwang ditrirelo kwa golona barile mo retla dula nakwana jaana bantse ba re batlela lefelo leo le siameng la bonno,mo re dulang gona ga jaana ke mathata fela fa pula e nele  mekhukhu ya rona e tsena metsi kantlha ya gore lefelo leno lea fologela ka jaalo metsi otlhe a fologela kwano”.Go bua Mokgele

Molekgotlha wa kgaolo tlhopo eno ya 16 eleng Samuel Britz are bantse ba tsweletse jaaka masepal go leka gotla tharabololo ya mathata ao baagi ba itemogelang one a go tsenelelwa ke metsi , are go fitlha ga jaana ba lemogile gore metsi ao atswang kwa mafelong a kwa godimo a elela otlhe go leba kwa lefelong leo la Morakeng.

“ke bo amaruri gone gore baagi ba samagane le mathata mo nakeng eno eo re itemogela go tshorotla ga dipula gagwe le gamme mme fela ntlha eno e setse e fitiseditswe kwa go bao ba maleba , retlile go leka go bona gore retlatla ka tharabololo ya mofuta mang gore bothata jono bo fele ka gangwe.Britz oa tlhalosa

O boetse a gatelela gore ba samagane le go leka go tlisa ditirelo go baagi are ga jaana baagi ba rebolelwa metsi ka di tanka tsa Jojo mme ntlha ya matlwana boithusetso le yone etla rarabololwa mo bogautshwaneng

Comments are closed.