Batsadi ba rotloediwa go tsenela ditlhopo tsa makgotlha a dikolo

Ka Olebogeng Molale

Lefapha la thuto mono Kapa Bokone le rotloetsa batsadi kana ba lebeledi ba baithuti go tsenela ditlhopo tsa makgotlha tsamaiso a dikolo kana di (SGB),ditlhopo tseno ditla tsaya karolo mo kgweding ya Mopitlwe fa ele letsatsi go fitlha ele malatsi ale masome a mararo.

Lefapha leare le setse le baakantse ditlamelwana tsa pula pele ga ditlhopo tseno di tshwarwa. Tonakgolo mo profenseng Dr Zamani Saul a patilwe ke Mokhuduthamaga wa lefapha la thuto Zolile Monakali a re ditlhopo tseno tsa makgotlha tsamaiso a dikolo di botlhokwa thata, ka gonne labofelo fa dine di tshwerwe ke ka ngwaga wa 2018 mme seo se raya gore paka ya mokgotlha tsamiso a dikolo ao ntseng ale gone e tla leba kwa bokhutlhong mo bogautshwaneng.

Dr Saul are kantlha ya melawana ya thibelo ya go anama ga mogare wa covid 19 go tshwanetse ga tsengwa mekgwa e meshwa ya tsamaiso ya ditlhop thata mo dikolong tseo di naleng palo e kwa godimo ya barutwana. “Re tswanetse go dirisa mekgwa e meshwa ya go tlhopa jaaka go tsenya tlhopo mo mosong fa batsadi baisa bana ba bone kwa dikolong , kana go tsenya ditlhopa tsa palo e kwa tlase eo e sa feteng masome a matlhano mo lefelong la go tlhopa go tlhopa maloko a kemedi ya makgotlha tsamaiso.” Saul a tlhalosa

Tonakgolo o rotloeditse batsadi gore ba tshwanetse fo tsaya karolo mo tsamaiso ya dikolo tseo bana ba bone ba tsenang mo go tsone ,mme fela are ga ba batle makgotlha tsamaiso ao a tlisang tlhakatlhakano mo mererong ya thuto le tsamaiso ya dikolo.

Are tiro ya mokgotlhatsamiso kana SGB gaese go itshonya nko mo mererong ya letsatsi le letsatsi ya sekolo, mme ke go bona fa go nale melawana e siameng ebile e tsengwa tirisong ka nepagalo le go bona gore gonna le matlole ,o boetse a gatelela gore gotla nna le thupelelo e maleba go bona gore bao ba tlhopilweng ba tlhaloganya tiro ya bone.

Comments are closed.