Mogaka o robetse boroko jwa bofelo

Kokoano themomolao ya profense ya kapa bokone e rometse molaetsa wa kgomotso morago ga go tlhokofala ga leloko la maloba la kokoanopelomolalo ya profense ,  e leng Nkosamandaba John Galela, yo o tlhokofetseng mo kgweding e fitileng.

John Galela ene ele leloko la lekoko la African National congress mme o kaiwa jaaka motho yo tshamikileng karolo e kgolo mo dipolotiking tsa profese eno ya Kapa Bokone.

Mokwaledi wa lekoko la ANC mo profenseng eno Deshi Ngxanga mo pegelong e are Galela ene ele moeteledipele yo oneng a nale ponelopele ebile a nale botlhale jo bo makatsang.

Galela o dirile jaaka mogakaganyi wa mokgatlho wa badira moepong wa NUM ka nako tsa tlhaolele mme one e belesediwa mo tiromg ya gagwe kwa moepong wa Black Rock kantlha ya seabe sa gagwe mo go tsa dipolotiki.

Mogaka yono gape ke leloko la maloba la kokoanopeomolao ya profense mo gone a neng a emetse lekoko la gaabo la ANC,Ka nako ya go tlhokofala ga gagwe ene ele motsamaise wa khokhase ya ANC gona kwa ntlo theomolao ya profense ya Northern Cape.

Nxanga are jaaka lekoko la ANC ba utlwile botlhoko thata ke go tlhokofala ga motho a tshwana le Galela yo eng ele motho yo o lerato ebile ane a kgathalela baagi thata.

“Jaaka lekoko la ANC re utlwile botlhoko thata ke go tlhokofala ga Rre Galela  yo o diretseng lekoko leno ka botswapele thata ene ele mo keresete yo o dumetseng thata ebile ene ele moruti yo a kgathalela baagi re ipela thata ka tseo a di dirileng mme re romela matsdidiso go lelapa loora Galela le botlhe bao ba amegileng,”Go bua Ngxanga.

Comments are closed.